LEFELO LA BONNO

‘Jaanong badiri ba RBPlat ba ka kgona go reka matlo mo lefelong la segompieno la bonno, le le gaufi le tiro e bile go le motlhofo go ya kwa toropong le mafelo a mangwe a a kgatlhang.’

Matlo A A Ka Tlhophiwang

Ntlo ya dikamore di le 3 tsa borabalo - 80m²

Ntlo ya dikamore di le 3 tsa borobalo - 140m²

Ntlo ya dikamore di le 4 tsa borobalo - 220m²

Itlhamele popego ya ntlo ya gago - 360m²

Dintlha Tsa Konokono

Legato 1 – le weditswe

  • Legato 1 la porojeke eno le simolotse ka letlole la boleng jwa dimilione di le R250.
  • Go agilwe matlo a le 422 a bogolo jwa 80m², mme malapa a setse a nna mo matlong a bone a mantšhwa a ba a rekileng.
  • Ditsela tse di tsamayang mo gare ga lefelo leno le mabone a mo mebileng a setse a weditswe.
  • Lebota le le dikologang lefelo leno le matlwana a a laolang heke a setse a agilwe e bile a a dira.
  • Ditsha tsotlhe mo Legato 1 di na le ditirelo tse di feletseng.
  • Ditshingwana mo mafelong a botlhe di lemilwe bontle le go tlhokomelwa go tlhomamisa gore Estate eno e galalela ka bontle tota.

Legato 2

  • Legato 2 la porojeke le na le letlole la boleng jwa dibilione di le R2.8.
  • Ga jaana go agilwe matlo a mabedi a dipontsho mme go rulagantswe gore go rekisiwe matlo a a leng mo polaneng mme a ise a agiwe.
  • Go tlile go agiwa matlo a le 3 100 – le dikarolo di le nné tse di farologaneng tsa matlo, tse di agilweng mo mafelong a a tshwailweng mo Estate eno.
  • Estate e tlile go nna le diheke tse pedi tse dikgolo tsa go tswa le go tsena le diheke di le mmalwa tse di ka fa gare tsa baagi le baeng.
  • Motlhabolodi o na le dipolane tse di akaretsang mafelo a mo isagweng a kgwebo go tsamaisana le ponelopele ya tlhabololo.
  • Dikarolo tsa matlo a Legato 2 di tla akaretsa:

    80m² – matlo a le 1 854
    140m² – matlo a le 633
    220m² – matlo a le 91
    360m² – matlo a le 12

Go Reka Ntlo

Tlhwatlhwa ya Matlo

Bogolo le ditlhwatlhwa tse di farologaneng go tshwanela ditlhoko tse di sa tshwaneng tsa badiri, ka mekgwa e e fetogang le maemo ya go duela go tlhomamisa gore motho a kgone go duela.

  • Dituelo tsa louno di tla nna kwa seelong se se kwa tlase go feta jaaka go lebeletswe go ipataganya le se modiri a ka kgonang go se duela.
  • Kabo ya Beng ba Matlo ba RBPlat le Living Out Allowance di tla dirisiwa mo dituelelong tsa louno ya ntlo.
  • Madi a tla tlhatlosiwa ka la 01 Phukwi ngwaga le ngwaga, go tsamaisana le go tlhatlosiwa ga megolo ga ngwaga le ngwana.
  • Disetatemente tsa kgwedi le kgwedi di tla bontsha dituelo tse di ikaegileng ka bogolo jwa ntlo e e rekilweng.
  • Motlakase wa tuelopele, metsi, direite le makgetho, sepalangwa le tlhokomelo e e dirwang mo ntlong, di tla nna tsa akhaonto ya mong wa ntlo.

Melawana le Dipeelo Tsa Louno

  • Batho ba e ka nnang beng ba matlo ba tshwanetse go nna badiri ba nako e e tletseng ba Setlhopha sa RBPlat.
  • RBPlat e tla aga e le yone mong yo o kwadisitsweng wa dikago go fitlha maikarabelo a go duela 50% a diragaditswe. Ka nako eo mong wa ntlo a ka tlhopha go tsaya phetiso ya ntlo mme RBRP e tla kwadisa bonto ya kago. Go sa nneng jalo, phetiso e tla direga fa madi otlhe a a kolotiwang a duetswe (lobaka lwa dingwaga di ka nna -/+18).
  • Ga go na mong wa ntlo yo o letleletsweng go rekisa kgotsa go rentisa lefelo la gagwe kwantle ga tumelelo e e kwadilweng go tswa go RBRP.
  • Beng ba matlo ba na le ditshwanelo ka matlo a bone mme RBRP e ka se gwebisane go ya pele ka matlo ao, ntle le fa go tlodilwe molao wa tumelano.
  • Fa modiri a batla go rekisa ntlo ya gagwe (fa ntlo e setse e fetiseditswe kwa go ene) khamphani e na le tlhopho ya pele ya go e reka gape mo modiring.