Tlhwatlhwa ya Matlo
Bogolo le ditlhwatlhwa tse di farologaneng go tshwanela ditlhoko tse di sa tshwaneng tsa badiri, ka mekgwa e e fetogang le maemo ya go duela go tlhomamisa gore motho a kgone go duela.
- Dituelo tsa louno di tla nna kwa seelong se se kwa tlase go feta jaaka go lebeletswe go ipataganya le se modiri a ka kgonang go se duela.
- Kabo ya Beng ba Matlo ba RBPlat le Living Out Allowance di tla dirisiwa mo dituelelong tsa louno ya ntlo.
- Madi a tla tlhatlosiwa ka la 01 Phukwi ngwaga le ngwaga, go tsamaisana le go tlhatlosiwa ga megolo ga ngwaga le ngwana.
- Disetatemente tsa kgwedi le kgwedi di tla bontsha dituelo tse di ikaegileng ka bogolo jwa ntlo e e rekilweng.
- Motlakase wa tuelopele, metsi, direite le makgetho, sepalangwa le tlhokomelo e e dirwang mo ntlong, di tla nna tsa akhaonto ya mong wa ntlo.