Waterkloof Hills Estate e rulagantswe jaaka nngwe ya ditlhabololo tse di ntlentle tse di ikemetseng tsa bonno mo kgaolong eno tse di nayang beng ba matlo sebaka sa go tshela ka mokgwa wa segompieno, mo Estate e e kgethegileng ya motswako wa baagi ba tshela mmogo ka pabalesego.
Ponelopele ya tlhabololo eno e kwadilwe ka botlalo mo polaneng ya motheo ya dikago, mme Melao ya Estate le Dikaelo Tsa Botegeniki Jwa Boagi di setse di weditswe go tlhomamisa gore di tsamaisana le ponelopele ya tlhabololo eno.
Estate eno e na le motswako o o kgethegileng wa mafelo a bonno a a ka itlhophelwang ka matlo a a tlogang go bogolo jwa 80m²; 140m²; 220m² le 360m², mme e le mefuta ya matlo a a sa betliweng ka go tshwana mo karolong nngwe le nngwe, go akaretsa le mafelo a kgwebo go tlhomamisa gore tlhabololo eno e tshegediwa ka lobaka lo loleele.
Ke lefelo le le tlhokometsweng sentle mme le na le ditshingwana le diparaka tse di betlilweng ka matsetseleko, mme le fitlhelwa mo melelwaneng ya mafelo a a tlwaelegileng go tlhomamisa gore Estate eno e nna e e itumedisang thata mo go beng ba matlo le mo baeng ka go tshwana.
Estate e dikologilwe ke lebota la tshireletso mme e na le diheke tse di laolang go tsena le go tswa le dikago tsa matlwana a heke a a nang le batlhokomedi.
Beng botlhe ba matlo ba tshwanetse go latela melao ya Estate jaaka e laolwa ke Mokgatlho wa Beng ba Matlo.