Legato 1 – le weditswe

- Legato 1 la porojeke eno le simolotse ka letlole la boleng jwa dimilione di le R250.
- Go agilwe matlo a le 422 a bogolo jwa 80m², mme malapa a setse a nna mo matlong a bone a mantšhwa a ba a rekileng.
- Ditsela tse di tsamayang mo gare ga lefelo leno le mabone a mo mebileng a setse a weditswe.
- Lebota le le dikologang lefelo leno le matlwana a a laolang heke a setse a agilwe e bile a a dira.
- Ditsha tsotlhe mo Legato 1 di na le ditirelo tse di feletseng.
- Ditshingwana mo mafelong a botlhe di lemilwe bontle le go tlhokomelwa go tlhomamisa gore Estate eno e galalela ka bontle tota.
Legato 2

- Legato 2 la porojeke le na le letlole la boleng jwa dibilione di le R2.8.
- Ga jaana go agilwe matlo a mabedi a dipontsho mme go rulagantswe gore go rekisiwe matlo a a leng mo polaneng mme a ise a agiwe.
- Go tlile go agiwa matlo a le 3 100 – le dikarolo di le nné tse di farologaneng tsa matlo, tse di agilweng mo mafelong a a tshwailweng mo Estate eno.
- Estate e tlile go nna le diheke tse pedi tse dikgolo tsa go tswa le go tsena le diheke di le mmalwa tse di ka fa gare tsa baagi le baeng.
- Motlhabolodi o na le dipolane tse di akaretsang mafelo a mo isagweng a kgwebo go tsamaisana le ponelopele ya tlhabololo.
- Dikarolo tsa matlo a Legato 2 di tla akaretsa:
80m² – matlo a le 1 854
140m² – matlo a le 633
220m² – matlo a le 91
360m² – matlo a le 12