About us

‘Estate ya segompieno, e e babalesegileng le e e sireletsegileng, e mo go yone malapa a ka tshelang mmogo le go golagana, le e ka boipelo a ka e bitsang legae!’

Dintlhakakaretso Tsa Porojeke

Royal Bafokeng Platinum (RBPlat) e amogetse Molaomotheo wa Aforika Borwa wa Meepo (South African Mining Charter), e bo e tlhama leano la matlo ka boikaelelo jwa go rotloetsa gore badiri botlhe ba yone e nne beng ba matlo, gore ba tlogele boswa jo bo nnelang ruri jo bo tla solegelang bontsi molemo ka lobaka lo loleele. Seno se supa semophato le tirisanommogo e e molemolemo magareng ga RBPlat, mokgatlho wa National Union of Mineworkers (NUM), le badiri, ka boikaelelo bo le bongwe fela jwa go tlamela batho ka matlo a segompieno, a a babalesegileng le a a sa tureng.

Leano leno la matlo le feletse ka gore Porojeke ya Matlo ya Badiri ba RbPlat e etleediwe ka dibilione di le R2.8, mo go nayang badiri sebaka sa go nna beng ba matlo le go ipopela boleng jwa kabo fa nako e ntse e tsamaya. Dikago tseno, tse di bidiwang Waterkloof Hills Estate, di mo lefelong la diheketara di le 294 tsa naga, mme le fitlhelwa gaufi le N4, e bile le gaufi le Waterfall Mall, mo Rustenburg. Ga jaana lefelo leno le akaretsa Legato 1 le le simolotsweng ka 2012, ka matlo a le 422, le Legato 2 le le simolotsweng ka 2014 le ga jaana le ntseng le agiwa mme fa le se na go wediwa le tla bo le akaretsa palogotlhe ya matlo a le 3 100, le mafelo a mo isagweng a kgwebo a a akaretsang mmolo wa mabenkele, tliniki, sekolo, bookelo, jalo le jalo.

Malebana Le Tlhabololo Eno

  • Waterkloof Hills Estate e rulagantswe jaaka nngwe ya ditlhabololo tse di ntlentle tse di ikemetseng tsa bonno mo kgaolong eno tse di nayang beng ba matlo sebaka sa go tshela ka mokgwa wa segompieno, mo Estate e e kgethegileng ya motswako wa baagi ba tshela mmogo ka pabalesego.
  • Ponelopele ya tlhabololo eno e kwadilwe ka botlalo mo polaneng ya motheo ya dikago, mme Melao ya Estate le Dikaelo Tsa Botegeniki Jwa Boagi di setse di weditswe go tlhomamisa gore di tsamaisana le ponelopele ya tlhabololo eno.
  • Estate eno e na le motswako o o kgethegileng wa mafelo a bonno a a ka itlhophelwang ka matlo a a tlogang go bogolo jwa 80m²; 140m²; 220m² le 360m², mme e le mefuta ya matlo a a sa betliweng ka go tshwana mo karolong nngwe le nngwe, go akaretsa le mafelo a kgwebo go tlhomamisa gore tlhabololo eno e tshegediwa ka lobaka lo loleele.
  • Ke lefelo le le tlhokometsweng sentle mme le na le ditshingwana le diparaka tse di betlilweng ka matsetseleko, mme le fitlhelwa mo melelwaneng ya mafelo a a tlwaelegileng go tlhomamisa gore Estate eno e nna e e itumedisang thata mo go beng ba matlo le mo baeng ka go tshwana.
  • Estate e dikologilwe ke lebota la tshireletso mme e na le diheke tse di laolang go tsena le go tswa le dikago tsa matlwana a heke a a nang le batlhokomedi.
  • Beng botlhe ba matlo ba tshwanetse go latela melao ya Estate jaaka e laolwa ke Mokgatlho wa Beng ba Matlo.

Kwa Lefelo Leno Le Leng Gone

Go botlhokwa thata gore lefelo le fitlhelwa kae … mme Waterkloof Hills Estate e mo lefelong le le tshwanetseng tota. E fitlhelwa mo mpeng ya Rustenburg, gaufi le Waterfall Mall, mme o fitlhela tlhabololo eno ya dikago tsa bonno, tse di agetsweng segolobogolo badiri ba Royal Bafokeng Platinum go bapa le tselakgolo ya N4 e e yang kwa Johannesburg le Pretoria.

Badirimmogo Mo Tlhabololong Eno

“Estate eno e agilwe ke motlhabolodi yo o ikemiseditseng le yo a ka ikanngwang (RBPlat) a dirisana mmogo le mokgatlho wa Union wa (NUM) go tlhomamisa gore ponelopele ya tlhabololo eno e a diragadiwa. ‘Semophato seno se na le ponelopele ya go aga mafelo a bonno a a sa tureng a bogolo jo bo lekaneng le sebopego se sentle go rotloetsa badiri ba RBPlat go nna beng ba matlo.”

Royal Bafokeng Resources Properties (RBRP)

RBRP ke khamphani ya tlhabololo le taolo ya Waterkloof Hills Estate e e tlhomilweng ke semophato sa batlhami le baetleetsi (RBPlat, NUM le PIC), go tlhomamisa gore go na le ditsamaiso le dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa taolo tsa Porojeke ya Matlo ya Badiri ba RBPlat. Royal Bafokeng Resources Properties ke motlamedi yo o kwadisitsweng wa ditšhelete, mme nomoro ya bone ya boikwadiso ke NCRP7210.

Royal Bafokeng Platinum (RBPlat)

RBPlat ke setlamo se se laolwang ke batho ba bantsho, sa setlhopha sa kgwebo ya bogareng ya polatinamo sa batlhagisi ba mmetale se se kwadisitsweng mo Johannesburg Stock Exchange (JSE). E laola Bafokeng Rasimone Platinum Mine mme ga jaana e aga Porojeke ya Styldrift I, tse ka bobedi jwa tsone di fitlhelwang mo porofenseng ya Bokone Bophirima mo Aforika Borwa. Porojeke eno e tla rotloetsa badiri ba yone go nna beng ba matlo le go itirela boswa jo bo nnelang ruri jwa melemo ya lobaka lo loleele.

National Union of Mineworkers (NUM)

NUM e na le ponelopele ya go tlhomamisa gore maloko otlhe a yone a nna le matlo a a tshwanetseng tota, mme ka jalo ba tsaya karolo ya botlhokwa ya go etelela pele le go tlhokomela tlhabololo eno. E thusitse thata mo dipuisanong tsa Porojeke ya Matlo ya Badiri jaaka karolo ya yone ya hisitori ya 2011 ya tumelano ya dituelo le RBPlat.

Unemployment Insurance Fund (UIF)

Letlole la UIF le tlhamilwe le go laolwa ke molaomotheo wa Aforika Borwa. Letlole leno le thusa badiri ka nakwana fa ba felelwa ke tiro kgotsa ba ntse kwa gae ka ntlha ya mabaka a botsetsi, mabaka a go itseela ngwana semolao go mo godisa, kgotsa bolwetse. Gape le thusa batho ba ba neng ba ikaegile ka moswi yo o neng a duela mo letloleng.
Madi ka kakaretso a ketleetso a tlametswe ke UIF, e e tla dirisang PIC go nna motlamedi wa yone wa ditirelo tsa ditšhelete.

Public Investment Royal Bafokeng Platinum Corporation (PIC)

Setlamo sa PIC ke mongwe wa batsamaisi ba bagolo tota ba matlole a ditšhelete mo Aforika gompieno, se laola matlole a feta ditirilione di le R1.8 mme se ntse se tswelela go gola. Ke motlamedi yo o kwadisitsweng wa ditirelo tsa ditšhelete mme se laolwa ka bojotlhe ke Puso ya Aforika Borwa, mme Tona ya Ditšhelete ke moemedi wa motshwarakabo.
Setlamo sa PIC se etleeditse matlole mo Waterkloof Hills Estate, mo boemong jwa UIF, go ya ka melaometheo ya sone ya matlole, mme se dumeletswe ke Boto ya Ditirelo Tsa Ditšhelete kgotsa Financial Services Board (FSB).