Dintlha Tsa Konokono
Lefelo leno le gaufi le Waterfall Mall
Go motlhofo go ya kwa mafelong a le mantsi mo toropong ya Rustenburg
Le gaufi le tsela e e duelelwang ya N4 e e dirang gore go nne motlhofo go ya kwa Johannesburg le Pretoria.
Go na le ditirelo tsa dipalangwa tsa batho botlhe mo lefelong leno.
Go na le mafelo le ditshingwana tse di lemilweng bontle go dira gore baagi ba lefelo leno le baeng ba bone ba ikutlwe ba amogelesegile.
Lefelo leno le dikologilwe ke lebota la tshireletso, le ntlwana ya heke e e laolang go tswa le go tsena diura di le 24.
Go na le mafelo a a tlhomilweng a go pagolola batho le mafelo a a lekaneng a go phaka dikoloi gongwe le gongwe mo Estate eno gore go se ka ga nna le sepe se se kgoreletsang baagi.